Skip to Content

Sekaseka Sefalana

Tsholetsa mekono motho wetsho. Re lo tsisetsa ditirelo ka go farologana.

 Ditlhwatlhwa

Tshoboko ya Ditirelo

Re thusa ka tse di latelang.


Kalafi / Healing

Bolwetsi bo tla gabedi, lantlha bo tla ka mmele labobedi ka semoya. Malwetsi ka go harologana ga one a itsa go tshela sentle. Ke ka mo re dumelang gore bolwetsi ka kakaretso ke leswe. Re dirisa boswa jwa Bongaka jwa setso go thusa go alaha mme gape, re dirisa maranyane a Ai go ithuta ka ditsela tse disha go tlhabolola ditsela tsa kalafi ya rona.

Malwetsi a Mmele

Malwetsi a Moya




Dipatlisiso / R&D

Re dira dipatlisiso tsa kgale tse di lebaganeng tshekatsheko ya puo le tlhabologo ya batho. Re dira se ka tumelo ya gore motho montsho o tlholegile pele ebile o nnile teng mo dipakeng ka go harologana. Ee, re dumela gore dipatlisiso tsa rona dia go senola bosupi jo bo tletseng gore ditso tsa rona di golagane le ditiragalo tsotlhe go tshwana le ya morwalela.

Go Dupa Lehatshe (Archeology)

Boloi (Bio-Technology)

Maselamose (Motion + Ai Technology) 


Thuto / Education

Maitemogelo a tsotlhe tse re di dirang a tlanna one kaedi ya thuto ye re eletsang morahe go anya mo go one. Sekao sa rona rele batho se nyelediwa ke go tlhoka ditsela tsa go boloka segarona. Re dirisa maranyane a internet go kgobokanya le go boloka ditshedimosetso. Re rotloetsa go dirisana mmogo mo loetong le. Re leboga thata Mokwadi Rre L. Leteane jaaka ele mongwe wa bakgothatsi ba tiro ye.

Mainane (Historical Secret Coding)

Diane (Ancient Wisdom)


Kalafi

Put the focus on what you have to say!

Malwetsi a Mmele

Bolwetsi ka ditso tsa SeAforika ke leswe. Ee bagologolo ne ele batho le tshoboko. Sepe se eseng sa tlholego ya motho se ne se bonwa ele leswe. Jaanong leswe le na le metlhale ele mebedi ye le ka tsenang mo mothong.

Leswe lantlha le tsena ka maroba a mmele. Molomo o tsennya leswe la dijo. Letlalo le tsenya leswe la mohuhutso abo go latela dirwe, le tsone di tsenya leswe la matute a setho.

Leswe la bobedi le tlholega mo teng ya motho. Le bakwa ke madi a motho gore tsalo ya gagwe go tsweng-tsweng e tlholegile e lwala eng. Le bakwa ke tatlhegelo ya mmele go kgona go ntsha leswe (autophagy). Le ka bakwa ke botlhole (acidosis) jalo jalo.

Tharabololo e bonwa ka tiriso ya melemo go tlhatswa teng.

More Details

Malwetsi a Moya

Moya jaaka leina le tlhalosa, ke modi wa tlholego yo eleng ene motsalwa pele. Ditso di tlhalosa gore mo-ya (yo a tsamayang) ke ene boleng jwa motho ebile o tsamaya ka di paka tsotlhe. Moya o na le bokgoni jwa go bona bokamoso le ditso ka nako ele ngwe.

Go lwala ga moya re go lemoga ka dikai di le malwa. Bontsi jwa nako ha moya o lwala, motho o tshabelelwa ke dikakanyo tse di tsisang kutlobotlhoko phetelela. 

Molwetsi wa moya o diragalelwa ke ma tlhotlhapelo ale malwa mme go sena tlhaloso ya gore ke ka mabaka afe. Mme ebile moya ha o sena kagiso o kgokgontsha nama segolo bogolo tlhaloganyo.

Tshwaragano ya mmele le moya ke ngwe ya masaitseweng a botshelo ka jalo go botlhokwa go somarela selo se. Tharabololo e bonwa ka go tlhatswa leswe la seboni le go nonotsha mmele yo moya o leng mo go ona

More Details

Dipatlisiso

Put the focus on what you have to say!

Maranyane

Write one or two paragraphs describing your product or services. To be successful your content needs to be useful to your readers.

Start with the customer – find out what they want and give it to them.

Learn more



Dithuto

Tse di latelang, ke di polelo ka ditso tsa motho le dipaka tse a tshidileng mo go tsone


Pele ga Morwalela

Goo Tau

A timeline is a graphical representation on which important events are marked.

Morago ga Morwalela

Goo Loe

A timeline is a graphical representation on which important events are marked.

Ye o Fa!

Mesopo' Tamea 

(tumelo tsa maaka)

A timeline is a visual display that highlights significant events in chronological order.

Paka eno

Latest Feature

A timeline is a graphical representation on which important events are marked.



Motho o tswa goo Loe a ithuta masaitseweng a lefatshe. Re tshidile mo dipakeng tsa kgale majwe a tobetsega. Re ithutile gole gontsi go goroga mo nakong ye, jaanong maitemogelo a rona a tshwaragane le madi a rona. Ditirelo tsa rona di tsisa botsogo mo go botlhe ba ba eletsang go tshela botshelo ka monyeyo. Ee, oka tshepa ebile le wena oka latlhela kitso ya gago go atolosa tiro ye "

Lordship Phepheng
Moeteledipele