Skip to Content
 
AMOGELESEGA


Tsaya loeto le rona re godise seriti sa letso le dithuto tsa Bagologolo. Re ikemiseditse go araba dikgwetlho tsa botshelo jwa segampieko go thusa morafe go atlega.


Katlego ya botlhe ke yone tsela le boammaruri. A Badimo Ba Be Lona!

          Kitso

ke Maatla!

Maikaelelo


Mo dithutong tsotlhe tse di tlwaelesegileng, ga go motlhofo go fitlhela thuto ka go nna motho, kgotsa go bona tlhaloso ka gore boleng jwa motho ke eng. Bontsi re dumela gore go nna motho ke sengwe se se itseweng ka go tshwana, mme re tswelela ka botshelo re lekeletsa le go kgotlhakgotlha. Ka jalo re ithuta ka mmele wa rona ka go o tsenya mo diphatseng. Le one moya, pele re ka ithuta ka ona re rotloediwa go amogela pholoso. Se, ka nnete, se na le monyetla wa go baka kotsi ye gantsi e tsisang leso ese ka nako.

Nyaa, maikaelelo ga se go tshosa mmadi, go bonala sentle gore Moafrika wa sekei one a itse mathaithai a bogologolo; a dipolelo di supang gore botshelo ke eng le gore motho o lebaganwe ke dikgwetho dife. Re tsibosa se, ele tsela ya go kgothatsa le go godisa keletso ya go ithuta diphiri tsa bogologolo. Re dumela gore dithuto tse ke tsone konokono ya go nna le seriti rele batho

Padi Ka letso la Motho

Sebe sa Phiri

Ee, bagologolo ba dumela ka bongwe jwa pelo gore motho o kgona go fetoga phologolo, mme phologolo ga e kgone go iphetola motho. Mogopolo oo, ke one kaedi ya sephiri sa gore go nna motho ga se hela go nna le puo ya setho kgotsa senama le madi. Motho o tshwanetse go nna le maitsholo mangwe a ka one amo letlang go ikaa ele motho tota. Ka tsamaiso re solofela ha rothle re itse selo se, mme mo pakeng eno go supahala ha bontsi bo latlhegile. ke ka moo goleng botlhokwa gore re itsee motlhala go baakanya ha re hositseng teng.



Mmele le Moya

ghgh 

Tlholego


Kgwetlho ye leng teng these days ke ya gore ke eng se eleng tlholego ke eng se eseng tlholego. GMO di dira ekete ke dilo tsa tlholego mme bontsi jwa nako go supahala ha di nale botlhole bongwe jo bo sa siamelang motho. 



Tlholego ya Motho

Motho oka botsa, ha elegore namune ga se sejo sa tlholego ele se motho a se itiretseng, aa go na le kgonagalo ya gore botlhale jo bo ka dirisiwa go bopa motho yo moshwa? Dikwalo tsa kgale di bolela mainane a se. Re ka leba mokwalo wa Enu Ma Eli Sha!, yo o tlwaelesegileng ka ina la Enumaelish. 



Mo/ Ba/ Se/ + dimo

Bontsi jwa nako, Batswana ba bua thata ka Sedimo, Badimo go na le Modimo. Tiriso ya lehoko Modimo le ne la tuma morago ga kgolo ya tumelo ya Sekeresete. Pele batho ne ba rapela Badimo ke gore Polytheistic, le bone Baroma ne ba rapela Badimo. Puo o tshwara nako ya botshelo jwa batho, se batho ba buang ka sone se kaisa se se diragalang mo botshelong jwa bone ka nako yeo. Leba puisano